Dikai Tsa Kgokgontsho Bana
Dikai Tsa Kgokgontsho Bana
Tsedi latelang ke dikai tse di ka go tsibosang gore ngwana o a kgokgontshwa kana o a itlhokomolosiwa. Ga oka lemoga dikai tse, kgotsa ngwana ago bolelela gore o a kgokgontshwa
1. O seka wa itlhaganelela go tsaa tshwetso, ebile o seka wa pateletsa, ngwana gogo bolelela sese mo tshwenyang, ga ele gore ga aa gololesega.
2. Gomotsa ngwana, kgotsa leka go mo sidila maikutlo, mme morago o mmolelele fa a dirile sentle ka go bua, obo o motshepise gore o tla bona thuso. Mme o itsise baba tshwanetseng.
3. Elatlhoko gore ngwana aka nna a bua ka bonya ka bonya, gotswa mo goreng o mo tsaya jang.
Tsedi la telang e kanna, dingwe tsa dikai tsa kgokgontsho
ya bana, di ka nna mmalwa. Elatlhoko diphetogo tsa kafa
ngwana a itshwarang ka teng.
Dikai Tsa Kgokgontsho Mmele
Tebego Ya Ngwana
* Go ruruga mmele, go shâ, kana go fapoga ga dikarolo dingwe tsa mmele.
* Malomo.
* Go gobala ga kgapetsa kgapetsa, mo go nnang go tlhalosiwa fa ele dikotsi.
* Fa tlhaloso ee buiwang ka kgobalo, e sa nyalane le kgobalo.
* Ngwana o nna a aparetse diaparo tse di tona, kgotsa tse dintsi go bipa dikgobalo.
Boitsholo Ja Ngwana
* Ngwana yoo thata go tlwaelesega.
* Ngwana yoo itlhaolang mogo ba bangwe, gape ale ditlhong.
* Ngwana yoo nnang a thobaetse kgotsa a eta mogopolo.
* Ngwana yoo tshabang batsadi thata.
* Ngwana yoo sa tshwenyegeng gaa kgaogane le batsadi.
Dikai Tsa Go Tlhoka Tlhokomelo
Tebego Ya Ngwana
* Tebego e e leswe,moriri o sa kamiweng le monko.
* Diaparo tse di sa siamelang, seemo sa bosa sa letsatsi leo.
* Ngwana yoo lebegang a tlhoka ba bongaka le meno a a leswe.
Boitsholo Ja Ngwana
* Ngwana yoo lapetseng ruri, a sena nonofo.
* Ngwana yoo kopang thata, kana a utswa dijo.
* Ngwana yoo nnang a tlolwa ke dithuto kana
a nna ale thari nako tsotlhe
ko sekolong.
* Bodipa kgotsa Boitsholo jo bo makgwakgwa.
* Go inyenyafatsa kgotsa go ipona ale ko tlase.
Dikai Tsa Kgokgontsho Ya Maikutlo
Tebego Ya Ngwana
Boitsholo ke sekai se se tona se o ka lemogang kgokgontsho mo baneng:
* Ngwana yoo itlhaolang kgotsa a sa tlhole a tshameka le ba bangwe.
* Ngwana yoo nnang a tlolwa ke dithuto kana a nna ale thari nako tsotlhe
ko sekolong.
* Bodipa kgotsa Boitsholo jo bo makgwakgwa.
* Go inyenyafatsa kgotsa go ipona ale ko tlase.
* Maduo a dithuto a fetoga kgotsa a wela ko tlase.
Dikai Tsa Kgokgontsho Ya Thobalo / Ya Dikarolo Tsa Bong
Ditebego Tsa Ngwana
* Diaparo tse di makgasa tsa moteng kgotsa, dina le mabadi a madi.
* Botlhoko le go baba ga dikarolo tsa bong.
* Go nna le malwetse a tlhakanelo dikobo.
Boitsholo Ja Ngwana
* Ngwana yoo nang le kitso ee feteletseng ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo.
* Ngwana yoo tshwarang tshwarang bana ba bangwe mo dikarolong tsa bong.
* Gofetoga, kgotsa mokgwa oo sa twaelesegang.
* Ngwana yoo senang le bothata go tshwarwa ka tsela epe fela.
Ga o belaela gore gona le kgokgontsho ee dragalang mo ngwaneng, kopa thuso ko go baba lebaganeng le dikgang tsa kgokgontsho,
gore batle ba dire dipatlisiso mme, batsee ditshwetso tsedi maleba,
fa ele gore ngwana o mo kotsing.
*
ARE BA BA LELENG BANA!!!!!!!!!!!!!!
MMELE WAME KE WAME!

Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho
Yabana

Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)
Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019