top of page

Mele Wame Ke Wame
Lenaneo La Thibelo Kgokgontsho 
Yabana

5. Pina Ya Botlhano  Lorato le Bonolo

Maikaelelo
Go ruta bana gore lorato lo pelonomi ebile gale kgokgontshe, le a kgathala e bile lo a
tshepafala.


 

O ka fitlhela ele gore bana ba tswa mo malapeng a a farologaneng, jalo go kgonega
gore kafa,ngwana yoo tswang mo, lapeng le go nang le kgokgontsho a lebang dilo ka
teng ,go pharologano le bana ba bangwe, ba batswang ko malapeng a go senang
kgokgontsho. Jalo go botlhokwa go buisana ka lorato.


Loka Buisana Ka Tsedi Latelang

▪ Bana ba tshwanatse go ratwa.
▪ Batshwanetse go tlamelwa, le go tlhokomelwa.
▪ Batshwanetse go ja sentle.
▪ Ba tshwanetse go apara diaparo tsedi phepa.
▪ Ba tshwanetse go nnale botsogo bobo itekanetseng ba legano.
▪ Moriri wa bone, o nne o kamilwe.
▪ Ba tshwanetse go reediwa le go thusiwa.
▪ Ba tshwanetse go itumedisiwa ga ba le kotlase mo moeng.
▪ Ba tshwanetse go nna le mongwe yo ba mo tshepang.



Ntlha ya botlhokwa: oka atolosa go baruta ka tse dingwe jaaka dilo tse di
baitumedisang, le tse di ba utlwisang botlhoko.


 

 Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego
A re bue ka lorato,go botlhokwa thata go ratiwa, mme jalo batho ga ba supe lorato ka gogo lematsa, kana ka go dira sepe se sesa go itumediseng.Batho ba supa gore baa go rata ka go dira dilo tsedi tshwanang go go badisa dibuka, go tshameka le wena, go itumela le wena, go tsaa maeto le wena , kana go go ruta go tsamaisa baesekele. Lorato ke go kgathala le go neelana. Batsadi ba rona kana batlhokomedi ba rona, ba tlhomamisa gore rea tlhokomelesega. Ba refa dijo, ba goba meno a rona,gape ba tlhomamise gore re apere diaparo tsedi phepa. Ga re lwala ba re isa kokelong. Go botlhokwa gore re tlhokomelwe, gore retle re gole sentle,re itumetse ebile re itekanetse.

Lorato le Bonolo (Mafoko)

Lorato le bonolo, opela le rona, 

otla lemoga gore go dilo tse dintsi
tse reka di dirang, go supa lorato
A ga o kake wa mpalela polelo kana ree go
tshameka bolo kana baesekele, 

gore ke seka ka wa
Gona le dilo tse dintsi, tse re ka di dirang mmogo
Go ditsela tsedi dintsi, 

tsere ka supang gore rea kgathala
Go na le nako tse dintsi, 

tse reka bolelelanang gore rea ratana,
ga ona le nako ya goneelana ,reka neelana
Lorato le bonolo, le botho
Opela le nna, mme o tlaa lemoga gape gore go
monate go, kgaogana dilo ts,e le wena.
 

Mafoko A Ga Cynthie Gotswa Mo Setswhantshong Sa Motshikinyego
Ke solofela gore, o itumeletse go opela dipina tsotlhe le rona, le gore o tlaa gakologelwa dilo tsotlhe tse o di ithutileng, ka mmele wag ago oo kgethegileng.
Gakologelwa gore “NNYAA”!! Ga mongwe a leka go tshwara dikarolo tsa gago tsa bong, a bata gogo lematsa,kana batho ba batla gogo dira dilo tsedi sa go tseeng sentle.
Gakologelwa Molawana : “GA GO UTLWALA GOSE MOLEMO, O SEKA WA DIRA”!! gape gakologelwa go bolelela mongwe ga o lemadiwa kana o sa tshwarwe sentle ka tsela epe fela, bolela go fitlhela mongwe a reetsa.

 

SETSWANA LOGO.png

Translations : Oageletse Bansan Keatholetswe (Ambassador for Botswana)

Written and Animated by: Chrissy Sykes © 2019

bottom of page