top of page

Setswana

Mmele wa me ke mmele wame

Mmele wa me ke mmele wame

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

Dumelang, leina la ka ke Cynthie mme gompieno re tlile go dira thulaganyo ya “mmele wa me ke mmele wa me”. Re tlile go opela dipina, re itumele mme re ithute go itshireletsa. A na le ya itse gore  mebele ya rona e botlhokwa mme ga go motho yo a nang le tokelo ya go re utlwisa botlhoko, kgotsa le go ka tshwara tshwara dikarolo tsa rona tsa mmele tse difihlegileng kgotsa go etsa sengwe se se ka etsang gore re ukutlwe re sa golol0sega gonne ke mmele wa rona o botlhokwa. Re tlile go opela pina ya nhla jaanong – mme ke batla gore le opele le nna – I bitsiwa Mmele Wa Me Ke Mmele Wa Me.

Setswana - mmele wa me mmele wame

Mmele wa me ke mmele wame

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tekelo ya go nkutlwisa bohloko
Gonne mmele wame ke mmele wame

 

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tokelo ya go ntshwara
Gonne mmele wame ke mmele wame

Kena le matsogo a mabedi go tshwara
Le mahlo a mabedi go bona
Le ditsebe tse pedi go utlwa se o mpolelelang sona
Ke na le maoto a madebi a maatla go nkisa mo ke yang teng
Mme kena le dokarolo tsa mmele tse di fihlegileng
Tse ke sa batleng go di bontsha ope

 

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tekelo ya go nkutlwisa bohloko
Gonne mmele wame ke mmele wame

 

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tokelo ya go ntshwara
Gonne mmele wame ke mmele wame

Ke na le meriri mo hlogong yame
O kao bona
Ke na le mohuba o monnyane
Mogare ga me
Ke na le nko e nnyane e ntle
Le menwana e lesome e mennye
Mme kena le molomo go bua le wena
Se ke batlang o se itse


 

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tekelo ya go nkutlwisa bohloko
Gonne mmele wame ke mmele wame

 

Ke mmele wame

Mmele wame
Ga go motho yo a nang le tokelo ya go ntshwara
Gonne mmele wame ke mmele wame
Ee, mmele wame ke mmele wame

Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

Re tli le go itumela ka pina eno e latelang, e na le molao o mogolo o re tshwanetseng go o gopola, mme molao o ke - Fa o sa ikutlwe sentle - o se ke wa etsa seo. Jaanong ga ke bue ka dilo di tshwana le go dira tiro ya sekolo  kwa lapeng, kgotsa go phepafatsa phapusi ya gago ra borobalo. Ke bua ka fa mongwe a leka go go isa gongwe le bone mme o sa itse gore a na ke selo se se siameng go se dira. Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo.  Kgotsa fa mongwe a leka go go dira gore o dire sengwe se se etsang gore o ikutlwe o sa gololosega, Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo.

Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo

Batho ba ka go tshwara tshwara ba re go siame
Empa gopola gore mmele wa gago ke mmele wa gago

Ke we na o itseng fa o sa ikutlwe sentle

Fa o sa ikutlwe sentle

O seke wa e etsa seo hle

Ga o sa ikutlwe sentle
O se dire seo hle
O se dire seo
O se dire seo

Go na le batho ka kwa ntle
Ba ba naganang gore o setlaela
Mme ba leka go go fa diritibatsi
Le go go tlogedisa sekolo
Ba go bolelela gore o nne le diphiri
Empa o a itse gore o direng
Gonne ga o ikutlwe sentle ka tshohle tse
O se dire seo hle
Nnyaa, ga o sa iklutlwe sentle
O se dire seo hle
O se dire seo

O se dire seo

Batho baka go tshwara tshwara ba go bolella gore baya go kgatalla

Ga ke re ga goa siama go bua le batho

Empa o tla itse ga o sa ikutlwe sentle ka fa teng

Mme ga o sa ikutlwe sentle

O se dire seo hle
Nnyaa, ga o sa ikutlwe sentle
O se dire seo hle
O se dire seo

O se dire seo

Nnyaa ga o sa ikutlwe sentle

O se dire seo hle
O se dire seo

O se dire seo

Nnyaa ga o sa ikutlwe sentle

O se dire seo

Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo

Motshameko wa “fa go ka etsagala gore”
 

Re I le go tshameka 
Motshameko wa “fa go ka etsagala gore”

Go na le potso le karabo go wena
Ga o batla go hlola ka nako tsohle
Se ke se o tshwanentseng go se dira
E re nnyaa
Bua fela o re nyaa

Fa go ka etsagala gore, morago ga sekolo
Motho yo o sa mo itseng a leka go go isa gae
Mme ba kgweetsa koloi e nchwa e maphatsiphatsi
Mme ba re “dumela”, a o batla go pagama
Nnyaa hle, ga ke go itse 
Ga nkitla ke pagama koloi ya gago
Gonne mme le rre ba mpoleletse gore
Ke seke ka tsamaya le motho yo ke sa mo itseng
Nka re nnyaa, Bua fela o re nnyaa

Fa go ka etsagala gore o kwa gae
Mme mohlokomedi wa bana a go hlokometse

Mme a leka go go tshwara tshwara ka fa tlase ga diaparo tsa gago
O ka dira eng
O ka re nnyaa mohlokomedi wa bana
Ga ke battle o ntshware tshware fao
Gonne tseo ke ditho tsaka tsa mmele tse fihlegileng
Mme mmele waka ga se wa gago
Nkare nnyaa
Bua fela o re nnyaa

Rea tshameka 

Motshameko wa “fa go ka etsagala gore”

Gona le dipotso le di karabo tsa gago
Ga o batla go hlola ka dinako tsohle
Se ke se o tshwanentseng go se dira
E re nnyaa, Bua fela o re nnyaa
 

Fa go ka etsagala gore go nne le motho
Tsala kgotsa wa kwa lapeng
Mme a go tshwara tshwara kgotsa a go utlwisa bohloko
Seo se etsa o ikutlwe o sa lokologa, o ka bua wa reng?
O ka re nnyaa

O se ke wa dira jalo hle
Ga ke rate fa o ntshwara tshwara jalo le ga ke ko rata
O seke wa ntira seo
Gonne ke sa le yo monnye
Nkare nnyaa, Bua fela o re nnyaa, E re nnyaa

Motshameko wa “fa go ka etsagala gore”

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

Jaanong re tlile go tshameka Motshameko wa “fa go ka etsagala gore” mm emo pineng e re tlile go ithuta gore re ka dira eng fa motho yo o sa mo itseng a leka go dira gore o tsamaye le ene, kgotsa fa mongwe a leka go tshwara tshwara dokarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng. A na o a itse gore dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegoleng di fa kae? di fa diaparo tsa gago tsa ka fa teng le borokgwe ba gago di sereleditseng. Ga go motho yo a dumeletsweng go go tshwara tshwara dikarolong tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng fa e se fela fa o le lesea, Mama le Papa batla go tlhapisa fao, mme o tlile go ithuta go dira seo ka bo wena’ kgotsa fa o lwala kgotsa fa o utlwa botlhoko, Mama kgotsa Papa kgotsa Ngaka bat la tshwanela ke go go tshasa setlhare fao.  Ntleng ga seo, ga go motho yo a tshwanetseng go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng.

 

Gape re tlile go ithuta gore re ka dira eng fa mongwe kwa gae kgotsa wa lelapa a dira gore o ikutlwe o sa gololosega kgotsa a leka go go utlwisa botlhoko.  Se o tshwnetseng go se dira fela mo motshamekong o ke go goa o re “NNYAA”, jaanong ke batla gore o goe ga monate le ka modumo….

Fa o na le mathata

Fa o na le mathatha

Mme o sa itse gore o direng

Tsamaya o bolelele mongwe 

Go fihlela ba go reetsa

O tshwanetse o fihlele motho

Yo o tla mmolelelang mathata a gago

Fa o na le mathatha

Fhlella motho yo o tla go utlwelelang.

Bua le mme wa gago kgotsa rre wa gago

Le mmemogolo kgotsa rremogolo

Mmane kgotsa malome wa gago

Kgotsa morutabana kwa sekolong

O tshwanetse go tswella pele o bue

Go fihlella mongwe a go utlwelela

A o na le mathata

Fihlela motho yo o tla mmolelelang ona

Fa motho a go utlwisitse bohloko

Mme ga o itse gore o dire eng

Tsamaya o ye go bolelela mongwe

Go fihlela ba go utlwelela

O tshwanetse go fihlela mongwe

Yo o tla mmolelelang mathata a gago

Fa o na le mathatha

Fihlela motho yo o tla go utlwelelang
 

Bua le moagisane

Okaedi wa gago kwa sekolong

Mongwe yo o mo itseng kgotsa o mo tshepang

Go bua ka mathata a gago ke tshwanelo

Tswelela pele o bue

Go fihlela mongwe a go utlwelela

Fa o na le mathata

Fihlela mongwe yo o tla mmolelelang ona

Fa o na le mathata

Tswelela pele o bue go fihlela ba go utlwa

Fa o na le mathata

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

A na go botlhokwa go bolelela mongwe fa mongwe a go utlwisa botlhoko kgotsa a go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng’ le fa o utlwa o tshogile kgotsa o hlabiwa ke ditlhong, o tshwanetse go re o nne pelokgale thata mme o bolelele mongwe, go na le batho ba bantsi ba o k aba bolelelang , bo Mama, bo Papa, bo Mmemogolo, bo Rremogolo, bo Mmane, bo Malome, Barutabana, bo Ntsalao, Baagisane, Batsadi ba ditsala tsa gago, Maphodisa, Baoki le batho ba bangwe ba le bantsi gaufi le wena. Jaanong fa o bolelelela batho mme ba sa go tshepe – bolelela o mongwe mme o tswelele pele go bua go fihlela mongwe a go utlwa, o seka wa ineela.

 Lerato le bonolo

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

A re bueng ka lerato, go botlhokwa thata go ratiwa mme batho ga ba bontshe lerato la bone mo go wena ka go go utlwisa botlhoko kgotsa go dira dilo tse di etsang o utlwe o sa gololosega. Batho ba bontsha gore ba go rata ka go dira dilo tse ba itseng gore o a di rata go tshwana le go bala dibuka, go tshameka metshameko, go itumela, go tsamaya kgotsa go go ruta go pagama baesekele. Lerato le gohle ka go arogana le go kgatallana. Batswadi le batlhokomedi ba rona ba tlhomamisa gore ra tlhokomelwa, ba re jesa, ba tlhomamisa gore re hlapa meeno, mme le gore re na le diaparo tse di phepa go apara mme fa re lwala ba re isa ngakeng. Go botlhokwa thata gore re tlhokomelwe sentle gore re gole re itekanetse, re itumetse mme re na le maatla.

Lerato le bonolo
 

Lerato le bonolo

lerato le pelontle

Opela le rona mme o tla fihlela gore

Gona le dilo tse dintsi tse dintle tse re ka di dirang

Go bontsha lerato la rona

A o ka se mpalle polelo

Kgotsa re ye go kwa ntle go tshameka kgwele ya maoto

O ka nthusa go palama baesekele

Gore ke seke ka wa

Go na le dilo tse di ntsi

Tse re ka di dirang rohle

Go na le ditsela tse dintsi

Go bontsha gore re kgathala

Go na le di nako tse dintsi fa re ka bolellanang gore ke ya go rata

Fa o na le nako arogana

Ke rata go e arogana le wena
Lerato le bonolo

Lerato le pelo ntle

Opela le rona mme o tla fihlela gore

Gona le dilo tse dintsi tse dintle tse re ka di dirang

mmele wa me mmele wame logo

 Lerato le bonolo

Mokwalo wa ga Cynthie go tswa mo kgatisong ya ditshwantso le modumo
 

Ke solofela gore o itumeletse go opela dipina tsotlhe le rona mme o tla gopola dilo tse le ithutileng ka mmele wa gago o botlhokwa. Gopola go gana o re NNYAA!! Fa mongwe a leka go tshwara tshwara dikarolo tsa gago tsa mmele tse di fihlegileng kgotsa fa batho ba leka go dira dilo tse di go etsang gore o ikutlwe o sa gololosega kgotsa go go utlwisa botlhoko.

 

Gopola molao o “Fa o sa ikutlwe sentle, o se ke wa etsa seo”, mme o gopole go bolelela mongwe fa o utlwisiwa bohloko kgotsa o tshwarwa tshwarwa kgotsa fa o kgerisiwa ka tsela efe ka pa efe, mme o tswelele pele o bua go fihlela mongwe a go utlwa. O se ke wa ineela!!! A re opeleng pina ya “Mmele wa me ke mmele wa me” la bofelo!!

Translations kindly done by : KABELO GIVEN RABAJI 
With thanks to Stichting GetOn​ for organisng the translations

bottom of page